JW subtitle extractor

Gopola Loso Lwa ga Jesu

Video Other languages Share text Share link Show times

Akanya fela go rena kagiso mo lefatsheng,
go se na ope yo o bogang,
dijo e le ntletsentletse,
go se na ope yo o lwalang.
Mme gone,
botshelo jo bo monate
jalo bo tla kgonega jang?
Ka ntlha ya se Jesu a re
diretseng sone.
O ne a na le lebaka la go bo
a tlile mo lefatsheng.
O ne a tla go re swela ka
gonne a re rata.
Mo bosigong jwa pele ga a swa,
o ne a laela gore re gopole
setlhabelo sa gagwe.
O ne a re:
“Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”
Ka letlha le a suleng ka lone,
batho mo lefatsheng lotlhe
ba tla bo ba kopane go mo gopola.
Basupi ba ga Jehofa
ba laletsa wena le ba lelapa la gago
go nna gone kwa
Segopotsong sa loso lwa ga Jesu.
Kwa kokoanong eo,
o tla ithuta gore goreng setlhabelo
sa gagwe se le botlhokwa jaana
le gore ditsholofetso tsa gagwe
di go ama jang.
Go bona lefelo le le gaufi le wena,
tsweetswee amogela taletso
go tswa mo Basuping ba ga Jehofa
kgotsa tlatsa foromo ya
go senka dipokano mo
jw.org/tn.